BUKANA YA
MAINA A MAFELO
KHANSELE YA MAINA A MAFELO YA AFORIKA BORWA
Khansele ya Maina a Mafelo ya Aforika Borwa
Lefapha la botsweretshi Setso, Saense le Thekenoloji
Kgetsana ya Poso X195
Tshwane
Aforika Borwa
Mogala : 337- 8155
Fekese : 324- 2119
Diteng
Tsebe
Maina a mafelo ke eng?
Khansele ya Maina a mafelo ya Aforika Borwa (SAGNC) ke eng?
Ke maina afe a mafelo a a akarediwang ke SAGNC?
Ke maina afe a mafelo a a welang kwa ntle ga taolo ya SAGNC?
Dikomiti tsa Diporofense tsa Maina a mafelo (PGNCs)
Goreng maina a mafelo a tshwanetse go tlhomamisiwa
Dipholesi tsa tlhomamiso
Ditshwanelo tsa Botho le Molaotheo wa Aforika Borwa
Ditheo tsa maina a mafelo mo Aforika Borwa
Kamogelo ya maina a a neng a sa amogelwe mo nakong e e fetileng
A maina a a leng teng a ka fetolwa?
Ke mang yo o ka dirang kopo ya thebolo ya leina?
Tlhomamiso e dirwa jang
Kopo ya thebolo ya leina la lefelo e dirwa jang
Thuso ya go dira kopo
Nako ya go leta magareng ga kopo le thebolo
Sekai sa foromo ya kopo
Maina a mafelo ke eng?
Ke maina a mafelo a batho ba nnang kwa go one, dikago gammogo le maina a dilo tsotlhe tsa tlhago.
Khansele ya Maina a Mafelo ya Aforika Borwa ke eng?
SAGNC ke mokgatlho o o eletsang Tona ya Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji ka ga tlhomamiso ya maina a mafelo.
SANGC e bopilwe ka ditswerere tsa maina a mafelo, dipuo tsa semmuso le histori ya setso, gammogo le moemedi a le mongwe go tswa porofense e nngwe le e nngwe le baemedi ba Bokaedibogolo jwa Bolekanyetsalefatshe, Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa, le Lekgotla la Dipuo Tsotlhe la Aforika Borwa.
Bokwaledi jwa SAGNC bo tlamelwa ke Lefapha la Botsweretshi, Setso, Sanese le Thekenoloji.
E tsaya tshwetso ka ga mofuta wa maina, e a romele kwa go Tona go a rebola.
E kokoanya le go kwala maina a mafelo le go dira gore a itsiwe.
E ikgolaganya le Ditšhaba Kopano, Khomišene ya Ikonomi ya Ditšhaba Kopano ya Aforika, bathati ba maina a mafelo ba e leng maloko a Ditšhaba Kopano, le dikemedi tse dingwe tsa boditšhabatšhaba tse di amanang le tlhomamiso ya maina.
Ke maina afe a mafelo a a welang ka fa tlase ga SAGNC?
Ditoropo, metsethoko le mofuta mongwe le mongwe wa bonno, diofisi tsa poso, diteišene, ditselakgolo, matamo, jalo le jalo;
Dithaba, meboto, dinoka, meedi, dikgogometso, mariba le dikhutlo, ditlhaketlhake, megogoro, matseno, megotlha, jalo le jalo
Maina a mafelo a kwadiso (mafelo a a dirisetswang go kwadisa mafatshe).
Ke maina afe a mafelo a a sa weleng ka fa tlase ga taolo ya SAGNC?
Leina la naga le maina a diporofense;
Maina a bathati ba selegae
Dikago le dipolase tsa poraefete tse di nang le beng
Goreng maina a mafelo a tshwanetse go tlhomamisiwa
Go a diragala mo nageng nngwe le nngwe gore batho ba rate go naya mafelo a a farologaneng leina le le tshwanang, kgotsa go nne le go sa utlwane ka ntlha ya gore maina a ka dumisiwa ka go tshwana kgotsa mopeleto wa leina la lefelo o ka tshwana thata le wa lefelo le lengwe. Gape maina a ka peletwa ka mekgwa e e farologaneng. Mo nageng ya dipuo tse dintsi jaaka Aforika Borwa, gantsi mafelo a nna le maina a a fetang le lengwe.
Lefatshe ka bophara maina a mafelo a tlhomamisiwa ke bathati ba ba swetsang ka ga mokwalo wa leina le le tshwanetseng go dirisiwa semmuso, go akaretsa mopeleto wa leina leo.
Go botlhokwa go tlhomamisa maina ka maikaelelo a go netefatsa histori ya naga le bosetšhaba, le kgwebisano le khomose, thwalo, tlhaeletsano, thulaganyo ya kgaolo le tikologo, saense le thekenoloji, bojanala, taolo ya matlhotlhapelo le ditiro tsa go batla le go pholosa, jalo le jalo.
Batho ba ba rulaganyang dimmapa le go kwala maina a mafelo bosetšhaba le boditšhabatšhaba ba ikaegile ka mebuso ya dinaga go ba tlamela ka maina a a tlhomamisitsweng.
Tlhomamiso e dirwa jang
Porofense nngwe le nngwe e tlhopha Komiti ya Maina a Mafelo ya Porofense.
Komiti ya Maina a Mafelo ya Porofense e rwele maikarabelo a go eletsa bathati ba selegae le go dira le bone mo go netefatseng gore ba dirisa dintlha tsa botlhokwa tsa SAGNC mo maineng mo maineng a a welang ka fa tlase ga taolo ya yona.
PGNC e rwele maikarabelo a go tlhokomela gore go rerisanwe le dikomiti tsa selegae le beng ba bangwe pele bothati ba selegae bo ka romela leina lengwe le lengwe ka PGNC kwa SAGNC.
Gape maina a romelwa ke Ofisi ya Poso, batlhabolodi ba ditsha, mekgatlho le batho.
SAGNC e amogela dikopo tsotlhe go rebola maina a mafelo a a welang ka fa tlase ga taolo ya yona le go netefatsa gore go rerisanwe ka tshwanelo le gore leina le kgotsofatsa ditlhokego tsotlhe tsa Khansele ka ditsela tsotlhe.
SAGNC e tsaya tswetso ya makgaolakgang ka ga sebopego kgotsa dipopego tsa maina, mme dire e romele dikatlanegiso kwa go Tona.
Gangwe fela fa Tona a rebotse leina, leina leo le tlhomamisitswe. Jaanong le phasaladiwa mo Kuranteng ya Mmuso.
Dintlha tsa botlhokwa tsa maina a mafelo mo Aforika Borwa.
Mabaka otlhe a botlhokwa a dira mo maineng otlhe a mafelo. Dikomiti tsa Maina a Mafelo tsa Diporofense di tshwanetse go tlhokomela gore bathati botlhe ba selegae ba na le kitso ka ga dintlha tse tsa botlhokwa.
Maina a a tshwanetseng go tilwa a mafelo
Maina a a a rebotsweng a mafelo felo gongwe mo Aforika Borwa;
maina a mafelo kwa dinageng dingwe, le maina a dinaga maina a mopeleto kgotsa kapodiso ya ona e tshwanang thata le ya le le teng le le ka tsosang tlhakatlhakano;
maina a a sotlang, a a maswe, a a rumulanang, a a tlhapatsang, a boheitene kgotsa a a tlhabisang ditlhong;
maina a a kgethololang kgotsa a a nyenyefatsang ka ntlha ya lotso, mmala, tumelo, bong, tshekamelo ya sepolotiki kgotsa mabaka mangwe a loago;
maina a maleele thata kgotsa a bopilwe ka mokgwa o o seng montle;
maina a e leng a batho a se na kamano ya losika;
maina a a ka tsewang e le phasalatso ya kuno, tirelo kgotsa setlamo se se rileng.
Go taya mafelo maina a batho
Maina a batho ba ba tshelang a tshwanetse go tilwa;
Go bitsa mafelo ka maina a batho go tshwanetse ga dirwa go lebilwe maemo batho ba ba amegang (sekai: e seng go bitsa sengwe se se fitlhegileng ka leina la motho yo o botlhokwa mo setšhabeng)
Fa go kgonagalang go bonwe tetla e e kwadilweng go tswa mo mothong yo o amegang kgotsa kgotsa mo losikeng le bajaboswa ba motho yoo pele leina la gagwe le ka dirisiwa.
A maina a a leng teng a ka fetolwa?
Go ka dirwa kopo ya phetolo ya leina fa mokopi a dumela gore leina ga le kgotsofatse dintlha tsa botlhokwa tsa SAGNC kgotsa ka mabaka a mangwe jaaka a histori kgotsa a puo. Kopo etshwanetse go direlwa mo foromong e e dirisetswang maina a mašwa, mme e tshwanetse go patiwa ke tlhaloso e e tletseng, mme fa go kgonagalang le dikwalo tse di tshegetsang.
Diphetogo di tshwanetse go tilwa ka mabaka a:
Diphetogo di tsosa tlhakatlhakano mo nageng le boditšhabatšhaba, mme go tsaya dingwaga tse dintsi go di diragatsa.
Diphetogo di le tlhwatlhwagodimo mo dikarolong tsotlhe tsa setšhaba. Di ngangisano di ka tsoga ka ga maikarabelo a ditshenyegelo mo go direng diphetogo.
Diphetogo di ka tlhakatlhakanya loago go na le go rotloetsa tshwaragano ya setšhaba.
Maina a mafelo ke karolo ya histori, setso boswa jwa puo jwa setšhaba, jo go leng botlhokwa thata go bo somarela go na le go bo senya.
Ke mang yo o ka dirang kopo ya thebolo ya leina?
Mafapha otlhe a mmuso, mebuso ya diporofense, bathati ba selegae, Ofisi ya Poso ya Aforika Borwa, batlhabolodi ba ditsha le mokgatlho mongwe le mongwe kgotsa motho yo o batlang gore lefelo le fiwe leina.
Go dirwa jang go dira kopo ya thebolo ya maina a mafelo
Diforomo tsa kopo di teng go tswa kwa SAGNC kgotsa kwa diPGNC.
Bakopi ba tlhokomele go neelana ka tshedimosetso yotlhe mo foromong ya kopo.
Thuso ya go dira kopo
SANGC e batla gore batho ba selegae ba nne le seabe mo go teyeng maina. Fa setšhaba se sa kgoneng go tlatsa foromo, se ka dira kopo ka bothati jwa selegae kwa Komiting ya Maina a Mafelo ya Porofense go bona thuso. DiPGNC di ka kopa thuso go tswa kwa SAGNC e e ka fetisetsang ntlha eo kwa babatlisising ba ba kgethegileng.
Dintlha tse di latelang di botlhokwa thata
Dikamano tsa latitšhutu le longitšhutu (ka tatelano eo)
Mmapa wa kgaolo o batlega mo pampiring ya A4
Ntlha le sekgala go tswa kwa kgotlatshekelo ya magiseterata e e gaufi di tshwanetse go tlhomama, sekai: dikilomitara di le 15 kwa Borwa-Botlhaba jwa ...
Puo ya leina. Fa leina le bopilwe ka dikarolo tse di farologaneng ka dipuo tse di fetang e le nngwe, sekai: SeZulu le Seesimane, di kaiwe ka bobedi.
Maina a tshwanetse go kwalwa ka ditlhaka tse dikgolo le tse dinnye, e seng tsotlhe ka ditlha tse dikgolo, go bontsha fa ditlhaka tse dikgolo di tshwanetseng go diriswa teng, sekai eMbali kgotsa GaBosela.
Tshimologo le bokao jwa leina. Dintlha tsa histori tsa leina, kaelo go sengwe sa tlhago, kgotsa go tewa leina ka go tlotlomatsa motho go tshwanetse ga tlhalosiwa ka botlalo ka mo go ka kgonagalang ka teng. Ditlhaloso tsa setso di ka nopolwa go tswa mo basedimosetsing, mme go ka mametlelelwa le dikwalo tsa diakhaefe.
Kopo nngwe le nngwe e tshwanetse go neelana ka dintlha tsa mosedimosetsimogolo yo o tshisintseng leina.
Leina la bobedi le lona le neelwe. Go itlhaganedisa tiro fa SAGNC e neetswe leina la bobedi fa leina la ntlha le sa amogelesege ka mabaka lebaka lengwe ( jaaka poeletso ya leina le le setseng le rebotswe).
Tsweetswee dirisang foromo ya kopo e e kannweng fela.
Fa go romelwa fekese kgotsa poso ya eleketeroniki, tsweetswee a e matlafadiwe ka go romela dikwalo tsa ntlha tse di saennweng ka poso.
Tsamao ya nako go simolola fa kopo e dirwa le thebolo
Khansele e kopana gane ka ngwaga. Ka ntlha ya gore tiego gantsi e bakiwa ke tshedimosetso e e sa felelang kgotsa e e fosagetseng mo foromong ya kopo, bakopi ba tshwanetse go itse gore tlhomamiso ya leina e ka nna thulaganyo e telele. Fa go dirwa dithulaganyo go tshwanetse ga dirwa tshiamelo ya go leta bonyane sebaka sa dikgwedi tse tharo, mme go tlhokomelwe gore go tladiwe foromo ya kopo jaaka go batlega go tila tiego e telele.
Sekai sa foromo ya kopo
KHANSELE YA MAINA A MAFELO YA AFORIKA BORWA
KOPO YA LEINA LE LEŠWA LE LE TSHISINTSWENG LE/KGOTSA PHETOLO YA LEINA LE LE LENG TENG LA LEFELO.
TIRISO YA OFISI FELA:
Letlha:
Leina le le rebotsweng ke Tona:
Tlhokomela: Dirisa foromo e le nngwe mabapi le sengwe le sengwe se se tshwanetseng go tewa leina.
Leina le le tshisintsweng
Tlhopho ya ntlha
Tlhopho ya bobedi i Bokao jwa leina ke eng, mme letswa mo puong efe?
ii Neela tlholego ya leina fa o se itse
Leina le le tshisintsweng le lebisitswe selo se se jang? (sekai. Ofisi ya poso, seteišene sa ditimela, toropo, motsesetoropo, motsethoko, thaba, kgogometso,letshitshi, kapa, letamo, pharagatlha, lekgabana, setlhaketlhake, mogogoro, letsha, pane, lebala, mokokotlo wa thaba, noka, molapo, mokgatsha, lefelo la bonno, motes)
Lefelo le mo Seterekeng sefe sa Magaseterata le Porofense efe?
i Lefelo le bokgakala jo bo kae le gone le kwa ntlheng efe ya toropo/ofisi e e gaufi ya mageseterata sekai 15km bokone bophirima jwa ...?
ii bontsha dikgolaganyi tsa lefelo ka latitšhutu le lonkitšhutu fa go kgonagala. Tsenya mmapa wa boglo jwa A4.
Tlhopho ya ntlha
Tlhopho ya bobedi
A leina le le tshisintsweng ke la bogologolo dingwaga tse di 50 kgotsa go feta, e santsane e le lešwanyana dingwaga tse di 10 - 50 kgotsa le lešwa dingwaga tse tlhano kgotsa kwa tlase
Fa e le tshisinyo ya phetolo ya leina, neela leina la ntlha le mabaka a phetolo
Dintlha tsa mokopi...
Leina: ...
Aterese: ...
Mogala: ...
Fekese: ...
Maemo a mokopi...
Bothati jwa semmuso jwa motho kgotsa mokopi yo mongwe, sekai:
pusomorafe, e emela lefapha. Transnet, mmuso wa porofense, pusoselegae, setlamo sa poraefete, setlhopha se se nang le kgatlhego, kgotsa sengwe (totobatsa)
Tshaeno: ...
Letlha: ...
Dintlha tsa motho le/kgotsa mongwe yo o dirileng jaaka mosedimosetsi yo o neileng tshedimosetso mabapi le leina a Leina: ...
b Aterese: ...
Mogala: ...
Fekese: ...
Tsweetswee romela foromo e kwa:
Khansele ya Maina a Mafelo ya Aforika Borwa Fekese : 324 2119
Lefapha la Botsweretshi, Setso, Saense le Thekenoloji
Tshwane
